Boitumelo jwa naka

  //   by   //   birth  //  No Comments

Naka tse ke ntseng ke di letile
Naka tsa kgomo ya leisimane le lentsho
Ke di emetse ke ntse ke gadimile
Ke gadimile manong a phuka tse dintsho

Ke lekile go ka fithla mapipitlelwana a
Ka Boitumelo e le thela jaaka metsi
Ka phunya sekaku sa mosadi wa motsetse
Ka bontsha jothle jwa kgomo e ntsho

Malome ke fa a dutse a letile
Ka potso ya methla e ne e le “a nang ke tla di ja dikgomo
A ntse mo gaufi le thlogo putswa
Rremogolo wa tedu tse pududu

Mme a thlabile kgobe ka mmutlwa
A nesa pula etswa e se moroka
Ka thathaboloswa ke mekgolokwane ya rakgadi
A reta se sethla sa moririr o boleta

Ra lala re jele mo mogopong o mosweu
Selonyana sa batho se setswang kae, se gorogile
Ke buile ka re se tla goroga tadi e amusa
Re tla bo re re ke dipitse ra bo re bone ka mebala ya nna karabo

Fa ba re mebala e dikgakaneng
Nna ka re seipone sa mosimane wa kobo tse tsweu
Di aperwe le mo ditsebeng ka go ikokobetsa
Go ikokobeletsa leano la go di tsaya tsothle

Leave a comment

You must be logged in to post a comment.