Ke mosadi wa moAfrica

  //   by   //   pride  //  No Comments

Ke padi, ke korwe nonyane tsa dikgwa
Tse e reng di porapora, tsebe nthla ya me
E bo e lela ting ting, ga ke gopola dikokwanyana tsa me

Ke mphatlalatsane naledi ya meso
E e tsosang mahube, e e ntshang nko mo mesong
Ka leselo mme o nthutile go fetlha dinawa

Ke mosadi wa moAfrika
Ke ikgantsha ka lethlabula, ke lema magapu
Mmidi le marotse, ke fetlha bodiba

Ke mosadi, ke lerapo, ke sethunya
Ke montle jaaka semathana sa Amerika
Jaaka masimo a Afrika, le metswedi ya teng

Ke mosadi wa moAfrika
Ke tshwene, ke motshwara thipa ka bogaleng
Ke senatla, ke mogale mo go tsa bonetetsi

Ke leradu le lentle la rremogolo
Lo lo sa kgaleng kgatsele, la manamane a a maša
Ke ipela ka tshobotsi le semelo sa me

Ke moAfrika, ke kgosigadi ya tlhago
Ke phoka ya meso mo matlhareng a mosetlha
Ke lomao lo ntlha, ke sethšwaka mo puong

Leave a comment

You must be logged in to post a comment.